Gatwe e rile, bogologolo, go ne go le motse mongwe
O itsege ka dingaka tsa Setswana tse di sa sweng
Go sule motho mongwe a sena go ja melemo ya setso
O fitlhetswe e le mo teng ga mometso
A santse a le mo dikobong, mo mosong
Marama a le bohibidu jwa madi
A dikeledi tse di duleng mo matlhong
A ngagatletswe ke ngwana wa gagwe a le mo selelong
Ha tlhoko ga gagwe mmaagwe a le mo moweng wa dithapelong
Go nkga go sa bola, basupi ba ithibile mo dinkong
Ditlhogo tsa bone ba di retolositse, ba itebisitse go sele
Molodi wa dinonyane o kgokgoesegela mo teng o tswa go sele
Mapodisi a bitswa ka pele
Moruti mogolo wa legae leo a tla a tshwere baebele
Le sefapano, a setswe morago ke kopano
Ya kereke e neng e le yone fela mo motseng
Yo o itsegeng ka dingaka tsa Setswana tse di sa sweng
Go bakolopi ba dipheko ba ba kileng
Go bakolopi ba dipheko ba ba kileng
Kwa tshimologong ile ke tsholwa
Lorato le ne le penologa mo dipelong tsa batho
Ba nkuka, ba ntshuna, ke kua ka ditshego
Go sa fete letsatsi lepe le le bosula
Baamusi ba legae ba ithaopela go nkamusa
Ke nona ke nna mafura go feta bana botlhe
Barutabana ba folela go nthuta
Bagolo ba ntshololela masego a bone otlhe
Legae lotlhe ka dinako tsotlhe
Le ntshetse morago ka matlho o kare go patlo
Mme ka letsatsi la gore ke tlelwe ke diphetogo tsa bonna
Legae ke fa le kgobokane a bo ke tsewa mo ntlong ka dikgoka
Ke dingaka di apere dipurapura, di ngunanguna
Thapelo kana pina, ke disiwa jaaka kgomo ya setlhabelo
Batho ba goa ba re MO BAPOLENG, MO BAPOLENG
Mo kokoteleng mo sefaapanong
Sa kereke e neng e le yone fela mo motseng
Yo o itsegeng ka dingaka tsa Setswana tse di sweng
E ne ya re morago ga nako, baagi ba motse yo
Mme ga sala Dingaka tsa Setswana tse di sa sweng
Go bakolopi ba dipheko ba ba kileng