Go dipula ko ntle, letsatsi le robetse go lefifi ko ntle
Bomammanthwane ba thantse, ba ko ntle
Ngwedi ka bo boi e iphitlhile ga e yo ko ntle
Badirabosula ba gagabetse ko ntle
Distrata tsa toropokgolo di tsositse tlhogo jaaka makgolo a mabolobolo
Bopelotshweu di bo kometsa di sa tlhafuna
Le ha o ka kukuna, di ditsebe jaaka tlou di ka go utlwa
Selelo hao ka didimala a bo o reetsa
Lotlela, rapela, o time dipone, go bosigo mo toropokgolo
A go kokotiwa o seka bula
Ditagi di a gogiwa dithobolo di a hudiwa
Toropo ke kwa mmapereko fa letsatsi le phirima
Go rata madi go a leofisa
Basadibagolo ba supiwa ka dithipa
Toropo ke kwa mmapereko fa letsatsi le phirima
Modimo hano ga a kitla a nna teng
Mo toropokgolo hao nna teng
O mo dimpeng tsa ga Satane
Mo strateng, bana ba sekolo ba kgobokane ba belegile matimone
Diipone, ba di thubile ba sa batle go ipona bosula
Ba tla rutwa botho ke mang
Motsadi ke mang, mopalamentse ke yo le ngwana wa batho
Ke toropokgolo, go a itaolwa
Ha o a tshwere, o kare o tshwere ditaola
Ha o ka benyabenya thata tlhogo ya kgaolwa
Ditagi di a gogiwa dithobolo di a hudiwa
Toropo ke kwa mmapereko fa letsatsi le phirima
Go rata madi go a leofisa
Basadibagolo ba supiwa ka dithipa
Toropo ke kwa mmapereko fa letsatsi le phirima