LyricFind Logo
LyricFind Logo
Profile image icon
Lyric cover art

Tlhalosa

Apple Music logo
Deezer logo
Spotify logo
Lyrics
Dipotso bosigo di a mpokela
Dikarabo di a mpalela
Dingwaga tsone dintse di a thelela
Dikeledi di elelela mo mogobeng
Bana ba itatlhela mo teng a bo ba nyelela
Dipotso bosigo di a mpokela
Dikarabo di a mpalela
Dingwaga tsone dintse di a thelela
Dikeledi di elelela mo mogobeng
Bana ba itatlhela mo teng a bo ba nyelela
Tlhalosa gore ke eng dilo bosula mo lefatsheng di tlhwaelegile
Tlhalosa mogote o kareng mabati a dihele a bulegile
Go dubegile
Ke eng maikutlo a sa siamang a kukegile
Malapa ka bontsi a thubegile
Dipelo tsa bana ba rona ka bontsi tsone di rurugile
Diphefo tse di lobelo tsa kilo di fokile
Lorato mo bathong le kumugile
Le ile, le fofile
Tlhalosa kea go botsa gore ke eng gareng ga mafatshe dintwa di bolotsa
Di simololwa ke ditiragalo tsa bogologolo pele re tsholwa
E re re gola a bo gotwe re ye go lwa
Dipotso bosigo di a mpokela
Dikarabo di a mpalela
Dingwaga tsone dintse di a thelela
Dikeledi di elelela mo mogobeng
Bana ba itatlhela mo teng a bo ba nyelela
Dipotso bosigo di a mpokela
Dikarabo di a mpalela
Dingwaga tsone dintse di a thelela
Dikeledi di elelela mo mogobeng
Bana ba itatlhela mo teng a bo ba nyelela
Bana ba rona ba tla gola jang ba tlhamaletse
Ha rona bagolo re sokametse ntlheng ya boleo
Kana gatwe go mela ga dipeo
Go kgoreletswa ke molemi ha le pelo ntsho
Ntlhalosetse kgatiso ya madi ee sa feleng
Mme mo lefatsheng go le khumanego e feteletseng
A ke nnete go na le dipuso tse di etetsweng ke batswa dinaleding
Go itse mang gore ba tsile leng, ba tsile jang
Ke a ipoletsa ntlhalosetsa gore baengele ke bo mang
Gore a Moshe o ne a bua le Modimo
Nako e neng a bua le setlhatshana se se shang
Dipotso bosigo di a mpokela
Dikarabo di a mpalela
Dingwaga tsone dintse di a thelela
Dikeledi di elelela mo mogobeng
Bana ba itatlhela mo teng a bo ba nyelela
Dipotso bosigo di a mpokela
Dikarabo di a mpalela
Dingwaga tsone dintse di a thelela
Dikeledi di elelela mo mogobeng
Bana ba itatlhela mo teng a bo ba nyelela

WRITERS

Solo Mmokele

PUBLISHERS

Lyrics © O/B/O DistroKid

Share icon and text

Share


See A Problem With Something?

Lyrics

Other

LyricIQ Analysis

Top Emotion

Sadness

Sentiment
Thumbsup IconThumbsup Icon
Theme

None