Who is able to make war with him
Se botlhale go heta Duma Boko
Godimo ga mawatle se kotame
Bogologolo Basarwa ba bogologolo
Ko Tsodilo ba se takile sele segolo
Go bapa le wa ga Matsieng
Le ditopo dikopo e digatile
Tisa skapamantswe o nne fatshe
Sebatana kana ke sejabana
Ke mang yo o tshwanang le sebatana
A gona ope yo o ka lwantshang sebatana
Se kana ka thabana Ntlenyana
Batho ba gakgamaditswe ke sebatana
Ba boifa ha ba bona sebatana
Mo lewatleng ba se tlhabela
Go nna dithole ha sebatana
Se lwantsha Modimo le Diabole
Go nna dithole ha se tika mabole
Se nonofile sebatana se bifile
Go di thuba le go di tshuba
Sebatana ke sekgwa molelo
Se lesa toropo tsa lona di tuka
Kana se dikarolo tsa dibatana di le supa
Mme se taboga go feta mmutla
Ke mang yo o tshwanang le sebatana
A gona ope yo o ka lwantshang sebatana
Se kana ka thabana Ntlenyana
Batho ba gakgamaditswe ke sebatana
Ba boifa ha ba bona sebatana
Mo lewatleng ba se tlhabela