LyricFind Logo
LyricFind Logo
Profile image icon
Lyric cover art

Mosadi ke wa me

Apple Music logo
Deezer logo
Spotify logo
Lyrics
Kgetla thupa o mpetse
Ke go tseetse mosadi
Ya ko kgotlatshekelong
O tlhale mosadi
Bolela batsadi
Gore o ngwegile mosadi
Ha le sa tlhole le le baratani
Ke wa me ke wa me
Mosadi o ke wa me
Pelo ya gagwe o e mphile a re ke wa me
Mariga o ntlamparetse
Gore ke ska ke a bolawa ke serame
Mosadi o ke wa me
Nako ya rona e gorogile
Matshelo a rona a bogologolo a fedile
Tsena ke go buletse lebati
Re tshele mmogo
Go fitlhela bokhutlo jwa malatsi
Re kopane maru a pula a kokoane
Go le monko o monate
Mowa wa lorato ke ha o gasame
Ka bontsi jaaka ditshoswane
A nteba, ke a mo leba
Rotlhe ke ha re shename
A nkatamela ke a mo atamela
Re a kopanela ga gare
Tladi ya ratha ya phatlalatsa maru ka bogare
Letsatsi ke ha le phatsima
Lorato la rona le a nna lekima
O wa me o wa me
Le nna ke wa gago
Pelo ke go e file ke re ke wa gago
Mariga ke go ntlamparetse
Gore o ska bolawa ke serame
Ke wa gago le wena o wa me
Moratiwa
Ke go gopotse
Wa mpekisa
Pelo ya me o e tshotse
Moratiwa
Ke go gopotse
Wa mpekisa
Pelo ya me o e tshotse

WRITERS

Solo Mmokele

PUBLISHERS

Lyrics © O/B/O DistroKid

Share icon and text

Share


See A Problem With Something?

Lyrics

Other

LyricIQ Analysis

Top Emotion

Enjoyment

Sentiment
Thumbsup IconThumbsup IconThumbsup Icon
Theme

None