LyricFind Logo
LyricFind Logo
Profile image icon
Lyric cover art

Madi

Apple Music logo
Deezer logo
Spotify logo
Lyrics
Tsogang tsogang batho mokoko wa lela
Tsogang ketele ya bela
Tsogang re dire madi re santse re tshela
Re dire madi ka dipelo tse di tlhatswegileng ke yone tsela
Ya boammaruri le botshelo jo bo phepa
O reke se o batlang go se reka sa boammaruri
Batho, mokoko wa lela
A re dire madi re santse re tshela
A o bereka mo ofising
Kana hasele ya gago e mo strateng, re batho mmogo
A o bereka o apere shorty
Kana o bofeletse thae mo molaleng, re batho mmogo
Rotlhe re tshaba lehuma la nta ya tlhogo
Goromente o re kgethisa makgetlho mmogo
Re batsadi bomalome borakgadi
Rotlhe re na le bana ba re ba tlhokomelang ka madi
Le dikoloto dibanka di re batla madi
Di re kgaola ditshika a bo di re gamola madi
Rotlhe rea leka, rea fufula
Kana re phuthege jaaka maJuda, a bo re huma
Tsogang tsogang batho mokoko wa lela
Tsogang ketele ya bela
Tsogang re dire madi re santse re tshela
Re dire madi ka dipelo tse di tlhatswegileng ke yone tsela
Ya boammaruri le botshelo jo bo phepa
O reke se o batlang go se reka sa boammaruri
Batho, mokoko wa lela
A re dire madi re santse re tshela
Gatwe sematla se se nang le madi ke mohumanegi
Ga sena tlhaloganyo se 'a go nna mohumanegi
Emang ka dinao le ditlhaloganyo
Bathong emang, lelekang madi a bommaruri
Motho tota ga a kake a nna le barena ba le babedi ba boammaruri
A wa gago ke Modimo kana madi a go laola ka ditomo jaaka setomo
Se rwesitswe di og-clapa se goga leteroko
Madi a tla go senya boboko
Madi re a rata rotlhe, madi kea rata ka poifo
Madi a kgona go tseela tautona setilo
Tsogang tsogang batho mokoko wa lela
Tsogang ketele ya bela
Tsogang re dire madi re santse re tshela
Re dire madi ka dipelo tse di tlhatswegileng ke yone tsela
Ya boammaruri le botshelo jo bo phepa
O reke se o batlang go se reka sa boammaruri
Batho, mokoko wa lela
A re dire madi re santse re tshela

WRITERS

Solo Mmokele

PUBLISHERS

Lyrics © O/B/O DistroKid

Share icon and text

Share


See A Problem With Something?

Lyrics

Other

LyricIQ Analysis

Top Emotion

Enjoyment

Sentiment
Thumbsup IconThumbsdown Icon
Theme

Coarse Language