LyricFind Logo
LyricFind Logo
Profile image icon
Lyric cover art

Kwa dinaleding

Apple Music logo
Deezer logo
Spotify logo
Lyrics
Phatsima phatsima naletsana
How I wonder what you are
Fa ke tlhokafala le nkatele ko ngweding
Le sa ntsenya mo kesing
Mo phuphung e e sa bewang letlapa
Gore moya wa me o tlhatlhogele dinaleding
Ke kokobale go feta fa letsatsing
Ke ye go bona, matsatsi le mafatshe a mangwe
Ditshedi tse dingwe
Le bontle jwa botshelo jo bo tshelang go gongwe
Gonwe ka maranyane a bone ba tla ntsosa mo baswing
Ke nne monngwe
Gareng ga bone, ke je dijo le bone
Ke nne motswa-koo
Godimo ga moo
Ke nyale ke nne le bana le mongwe wa bone
Ke tshele le Modimo ke yo, ko dinaleding
Ba bangwe ba ithaya gore ditshedi tsa lefatshe la rona
Ke tsone hela tse di tshelang mo botshelong
Le ha e re ba kuka matlho a bo ba fatlhwa ke lesedi la dinaledi
Go na le eng ko dinaleding
A re tswale matlho re ye dinaleding
Ka lobelo lwa Lesedi
Gonwe re tla filthela RraMasedi a re emetse kwa dinaleding
Nkile kea sala morago naledi
Ke pagame tonki ke tswa botlhabatsatsi
Go ne ga feta malatsi a le masome mane
Ke sa je sepe, ke sa metsi
Ile ke e kapa ka seatla o kare ke ntsi
Ke fa lesedi la yone le ntsenelela mo pelong
Phefo ya nkukela ko marung
Ya nkotamisa fa fatshe mo bosweung
Mo bathong ba eseng batho jaaka rona
Ba tshwana le ba Isaiah a boneng ba fofa
Ba le dikodu ditona
Ba nkamogela ka diatla tsoopedi
Ba ntsaya ba mpontsha dinaledi
Ba bangwe ba ithaya gore ditshedi tsa lefatshe la rona
Ke tsone hela tse di tshelang mo botshelong
Le ha e re ba kuka matlho a bo ba fatlhwa ke lesedi la dinaledi
Go na le eng ko dinaleding
A re tswale matlho re ye dinaleding
Ka lobelo lwa Lesedi
Gonwe re tla filthela RraMasedi a re emetse kwa dinaleding

WRITERS

Solo Mmokele

PUBLISHERS

Lyrics © O/B/O DistroKid

Share icon and text

Share


See A Problem With Something?

Lyrics

Other

LyricIQ Analysis

Top Emotion

Enjoyment

Sentiment
Thumbsup Icon
Theme

None