Phefo ke hema ke sa batle
Boroko ke tsoga ke sa batle
Loso ke le batla le sa mpatle
Modimo le Satane botlhe ga ba mpatle
Tsholofelo o nketetse mme ke sa mmatle
Ha ke robetse ke lora ditoro tse di tshosang
Phakela ke ene a ntsosang
Motshegare otlhe o ntshebela
Bohutsana ke bo patisitse
Bohutsana ke bo lotleletse
Bohutsana ke bo patisitse
Bohutsana ke bo lotleletse
Bohutsana ke bo patisitse
Ke ba batlile ba sa mpatle
Diritibatsi tse di tshwakgolang
Di mpatlile ke sa di batle
Matshwenyego a italeditse
Letlalo la nku, a ntsieditse
Go nna lorato go nkgeeditse
Ke godile ke le ngwana ditlhong
Tlhaloganyo ke humanegile
Botshelo mosepele ke lapile
Mme ke itshwareletse ka menwana
Jaaka segokgo se kokometse lekotswana
Ha loso lo mpitsa ke tla e kisa
Bohutsana ke bo patisitse
Bohutsana ke bo lotleletse
Bohutsana ke bo patisitse
Bohutsana ke bo lotleletse
Bohutsana ke bo patisitse
Ke ba batlile ba sa mpatle
Tsholofelo o nketetse mme ke sa mmatle