Dipalo di ko godimo tsa polao
Batho ba phamolwa ba robetse
Dikarolo tsa mebele ya batho
Diselwa tsatsi le letsatsi
Fa tlhoko ga noka ya Boteti
Madi bohibidu a apesitse metsi
Manong bophokojwe le bophiri
Masetlapelo a tsholodisa babatlisisi
Sekgwa bosigo sea bokolela
Dikereke di kopilwe go rapela
Batho mabati ba a tswalela
Sekgwa bosigo sea bokolela
Dikereke di kopilwe go rapela
Batho mabati ba a tswalela
Maloba go fitlhetswe bapalami thaba
Ya lentswe la baratani ba bofeletswe
Matsogo le maoto ka dichaene
Mebele ya bone e tlhasetswe
Diboko di le mo kgokgochong
Ba rokilwe sehuba se gabilwe
Mokwalo matshwao a a sa itsiweng ha lebilwe
Gore ke Malebogo le Keneilwe
Sekgwa bosigo sea bokolela
Dikereke di kopilwe go rapela
Batho mabati ba a tswalela
Sekgwa bosigo sea bokolela
Dikereke di kopilwe go rapela
Batho mabati ba a tswalela
Moriti wa selo sengwe se sa mmone
A iphitlhile mo ntlwaneng ya boapelo
Sebetsa a ngaparetse lehelo
A itidimatsa mme a batla go goa
Masika a gagwe a pallwa ke go sia
Ha moriti wa selo se ba alola
A bilediwa ke mapodisi go botsolotswa
Ke motho kana selo se se tlhasetseng
Go letshogo le le feteletseng
Bosigo go ditiragalo tse di sa itsiweng
Sekgwa bosigo sea bokolela
Dikereke di kopilwe go rapela
Batho mabati ba a tswalela
Sekgwa bosigo sea bokolela
Dikereke di kopilwe go rapela
Batho mabati ba a tswalela